P2P Wallet ke eng?
P2P Wallet ya lona ke wallet e e farologaneng e e tsholang fela madi a lo a dirisang mo Deriv P2P. E farologana le di-Deriv Wallet tsa lona tse dingwe gore go reka le go rekisa ga lona mo P2P go nne go farologane le madi a lona a kgwebisano.
Kafa madi a tsamayang ka teng
- Fa lo reka mo P2P: Fa morekisi a lesa madi, a tla tsena mo P2P Wallet ya lona.
- Go simolola kgwebisano: Fudusetsang madi go tswa mo P2P Wallet ya lona go ya kwa Deriv Wallet ya lona kgotsa akhaonto ya kgwebisano.
- Fa lo batla go ntsha madi: Fudusetsang madi go tswa mo akhaonto ya lona ya kgwebisano go ya kwa P2P Wallet, mme lo a rekise mo Deriv P2P go nna madi a naga. Lemogang gore ditefo tsa phetolo di dirisiwa jaana: 1% ya badirisi ba maemo a bronze le silver, le 0.5% ya badirisi ba maemo a Gold le Diamond.
- Fa lo rekisa mo P2P: Palo e lo e rekisang e ntshiwa mo P2P Wallet ya lona mme e tshwarwa mo escrow go fitlha lo e lesa.
Reka mo P2P → P2P Wallet → Deriv Wallet / akhaonto ya kgwebisano
Rekisa mo P2P ← P2P Wallet ← Deriv Wallet / akhaonto ya kgwebisano
Dilo tse lo tshwanetseng go di itse
- Balance ya P2P Wallet ya lona e tshwanetse go akanyetsa palo yotlhe ya order epe fela ya go rekisa kgotsa setlhagiso. Lo ka se rekise go feta se lo se tshwereng.
- Madi a a tshwerweng mo escrow fa order e sa ntse e dira a bontshiwa e le a a seyo go fitlha order e fedile kgotsa e khanseletswa.






