Kopisang dikgwebisano tsa setswerere ka boitirelo mo akhaonteng ya lona ya Deriv MT5 kwa ntle ga tefo kgotsa ka tefo. Fa lo sena go ikwadisetsa matshwao a kgwebisano, dikwebisano tsa monei di tla kopisiwa ka tlhamalalo mo akhaonteng ya lona ya kgwebisano ya Deriv MT5 nako nngwe le nngwe fa a dira kgwebisano.
Melemo ya go ikwadisetsa matshwao a kgwebisano a MT5
Dikgwebisano tse di tswang go barekisi ba setswerere di kopisiwa ka tlhamalalo mo akhaonteng ya lona.
Bolokang nako – go ikwadisetsa matshwao go dira gore dikgwebisano tsa lona di direge ka boitirelo.
Go bewa motheo motlhofo – ga go tlhokege go tsentsha (installation).
Tshedimosetso e e feletseng ya tiragatso ya monei wa matshwao mongwe le mongwe.
Ga go na ditefo kgotsa dikomishene tse di fitlhegileng.

Go ikwadisetsa jang matshwao a kgwebisano a MT5
Kgato 1
Yang kwa MQL5 Signals
Mo teromonaleng ya lona ya kgwebisano ya MT5, yang kwa Tools mme lo tlhophe MQL5 Signals.
Kgato 2
Ikwadiseng go monei wa matshwao
Tlhophang monei wa matshwao yo lo mo ratang mme lo tobetse “Subscribe”.
Kgato 3
Feletsang go ikwadisa ga lona
Baakanyang dipharameta tsa lona tsa kgwebisano le taolo ya kotsi. Morago ga moo, tobetsang “OK” go feleletsa go ikwadisa.
Go ntsifatsa kgotsa go khansela jang go ikwadisa ga lona
Kgato 1
Yang kwa My Statistics
Mo panelong ya Navigator, yang kwa Signals mme lo tobetse “My Statistics”.
Kgato 2
Tlhophang monei
Tlhophang monei wa matshwao yo lo batlang go ntsifatsa kgotsa go khansela go ikwadisa ga lona mo go ene.
Kgato 3
Ntsifatsang kgotsa khanselang
Tobetsang “Renew” kgotsa “Unsubscribe” go ntsifatsa kgotsa go khansela go ikwadisa ga lona.
Note:
- Akhaonte ya setšhaba sa MQL5 e a tlhokega go ikwadisetsa matshwao a kgwebisano. Fa lo sa nna le akhaonte, yang kwa MQL5.com go ikwadisa.
- Go ikwadisetsa matshwao a a duelwang, tlatsang akhaonte ya lona ya MQL5 ka madi.
- Lo ka ikwadisetsa fela monei o le mongwe wa matshwao ka akhaonte e le nngwe ya Deriv MT5 ka nako nngwe le nngwe. Lo ka dirisa matshwao a lona mo dikhomputareng tse di ka nnang tharo tse di farologanyeng.
- Fa lo sena go ikwadisetsa matshwao, ga lo kitla lo kgona go dira kgwebisano ka boitirelo (manually) ka akhaonte e le nngwe ya Deriv MT5.





