Re tla baakanya theko le go rarabolola dikonteraka tsotlhe ka tshiamo le ka botlalo, go ikaegile ka metswedi ya data e e ikanyegang le kwantle ga tieelo e e sa tlhokegeng, gore bareki ba kgone go ikanya ditheko mo webosaeteng yotlhe.
Re tla dira gore ditsamaiso tsa rona tsa kesiara di dire ka mokgwa o o sa tshwenyeng, di dirisa madi a a tsenyweng le a a ntshitsweng ka tshiamo le ka bonako.
Re ikaeletse go neela bareki ba rona ditsamaiso tse di ikanyegang tse di nang le nako e telele ya go dira le go se diege, le mo dinetweking tsa data tsa mogala tse di bonya. Re neela tshireletso e e siameng le go tsamaisana le didirisiwa tsotlhe tse dikgolo tsa desktop le tsa mogala.
Re tla leka thata go neela ditirelo tsa live chat ka diura tsotlhe tsa letsatsi le beke, gore batlhokomedi ba nne teng mo bareking ba ba kopang go dira chat. Batlhokomedi ba tla rutwa go araba dipotso tse di amanang le tirelo.
Re tla tshwara bareki botlhe ka tekatekano, go sa kgathalesege gore ba tswa kae kgotsa bogolo jwa diakhaonto tsa bone.
Fa go na le ngongorego epe, re ikaeletse go rarabolola mathata ka bonako le ka boikanyo.
Re ikaeletse go nna le ditheko tse di lekanang mo dikunong le ditirelong tsotlhe tsa rona.
Re tla nna pepenene ka ditshenyegelo tsotlhe le madi a a duelwang.
Fa moreki a tshwanelegile ka tshiamo go bona dipoelo kgotsa dibalance tse a ka nnang le tsona, mme go se na dipoifalo tsa boferefere, o tshwanetse go kgona go ntsha madi a gagwe ka go rata ga gagwe.
Re tla dirisa puo e e tlhamaletseng mo dikunong, ditirelong, le puisanong tsotlhe tsa rona.
Re tla nna pepenene ka melawana ya dikonteraka tsotlhe gore bareki ba kgone go tsaya ditshwetso ka kitso e e feletseng
Re tla nna pepenene ka dikotsi tsotlhe tse di amanang le kgwebisano ka gonne re batla gore bareki ba rona ba tsaya ditshwetso ka kitso e e feletseng go ya ka fa ba ka itshokelelang kotsi ka teng.
Re tla nna pepenene ka kafa re bonang madi ka teng, go akaretsa fa e le gore re le mothusi mo kgwebisanong kgotsa re dira jaaka broker.
Maitemogelo a rona a kgwebisano ya demo a tla tshwana le kgwebisano ya madi a mannete, segolobogolo ka ga theko ya konteraka le dithibelo tsa kgwebisano.
Re tla nna boammaaruri mo papatsong ya rona. Ga re na go dirisa ditshwantsho tse di sa dumalaneng le boammaaruri tsa katlego ya madi mo dintlheng tsa rona tsa papatso.
Ga re na go neela maikutlo epe ka fa mmaraka o ka tsamayang ka teng kgotsa gore konteraka nngwe le nngwe e a tshwanela.
Ga re na go akanya gore kgwebisano e rarabolola mathata a madi a motho kgotsa gore e ka tlisa lotseno lo lo ikanyegang. Re tla nna pepenene gore ga go na dipoelo tse di netefaditsweng kgotsa tse di sa tsenyeng kotsi mo kgwebisanong.
Re tla gana go dumelela batho ba ba sa fitlheleng dingwaga tse di tshwanetseng go tsena, mme re tla dira ditsamaiso tsa go itse bareki ba ba dirisang kgwebisano go feta bokgoni jwa bone jwa madi.
Re tla dira ditlhokomelo tse di amanang go thibela ditiro tse di sa siamang mo diplatefomong tsa rona.



