Multipliers
Atolosang poelo ya lona e e ka nnang teng ka go feta ga 4,000x fa mmaraka o tsamaya go ya kwa go lo siametseng.
Gwebisana ka MultipliersGo gwebisana ka Multipliers jang?
Multipliers di lo dumelela go atolosa poelo kgotsa tatlhegelo ya lona e e ka nnang teng ka go dirisa multiplier mo phetogong ya theko ya thoto.
Go godisa
Fumana poelo fa theko ya thoto e tlhatlogela godimo ga theko ya go tsena ka nako e lo tswalelang kgwebisano.
Go fokotsega
Fumana poelo fa theko ya thoto e fokotsega go nna kwa tlase ga theko ya go tsena ka nako e lo tswalelang kgwebisano.
Tshedimosetso e nngwe
Komishene e e sa fetogeng e a lefiwa fa lo bula kgwebisano ya Multipliers. Bogolo jwa yona bo farologana go ya ka mofuta wa thoto le go dikoloka ga mmaraka.
Kgwebisano ya lona e tswalelwa e le nosi fa maemo a Stop Out a fitlhelelwa.
Lo ka laola kotsi ka dikarolo tse di jaaka Take Profit, Stop Loss, le go phimola tumalano (fa e teng).
Lo ka tswalela kgwebisano ya lona nako nngwe le nngwe. Fela, itlhokomeleng gore kotsi ya slippage e ka ama poelo ya lona ya bofelo.