
Kgwebisano e ka tsosa maikutlo, mme seo se tlwaelegile. Kgwebisano e ka utlwala jaaka leeto la maikutlo a a fetogafetogang thata. Boitumelo jo bogolo jwa poelo e kgolo, kgobego ya marapo ya tatlhegelo, keletso e kgolo ya go lelekisa tshono e e latelang. Tsotlhe tseno ke karolo ya kgwebisano. Mme fa go na le selo se le sengwe se bagwebi ba ba nang le maitemogelo ba se itseng, ke gore maikutlo e ka nna mmaba wa lona yo mogolo.
Go nna lo ritibetse, lo iketile, e bile lo itshwere ga se selo se se monate fela go nna le sone. Go botlhokwa thata mo katlegong ya nako e telele. Go letla maikutlo go lo laola go ka baka ditshwetso tsa lepotlapotla, dikotsi tse dikgolo le, ka bomadimabe, ditatlhegelo tse dikgolo. Ka jalo, a re bueng ka gore ke eng fa go laola maikutlo a lona go tlisa pharologanyo e kgolo le gore lo ka go dira jang.
Emisang go gwebisana go feta selekanyo pele ga go simolola
A lo kile lwa utlwa keletso e kgolo ya go tswelela lo gwebisana, le fa lo itse gore lo tshwanetse go ikhutsa go se kae? Moo ke go gwebisana go feta selekanyo. Go diragala fa bagwebi ba dira dikgwebisano tse dintsi thata kgotsa ba tsenya madi a mantsi thata mo maemong a le mangwe. Mme a lo a itse gore ke eng? Mo e ka nnang ka metlha go tlhotlhelediwa ke maikutlo, e ka tswa e le go leka go busetsa tatlhegelo kgotsa go itumelela tatelano ya dipoelo.
Maemo a mmaraka le one a ka lo tsietsa. Fa ditlhwatlhwa di simolola go tsamaya ka bofefo, go a raela go tsena fela gore lo tshware lebelo leo. Mme kwa ntle ga thulaganyo e e tlhapileng, lo ka felela lo tsaya ditshwetso tsa ka ponyo ya leitlho tse di lo faposang mo tseleng le go lo tsenya mo dikotsing tse di sa tlhokegeng.
Lo ka thibela jang go gwebisana go feta selekanyo? Nnang le boitshwaro
- Ngaparelang thulaganyo ya kgwebisano. Thulaganyo e e nitameng e lo boloka lo ritibetse e bile lo tsepamisitse mogopolo.
- Anamisang potefolio ya lona. Phasalatsang letlole la lona mo dithotong tse di farologaneng go na le go tsenya madi otlhe a lona mo lefelong le le lengwe.
- Laolang letlole la lona. Gwebisanang fela ka se lo ka kgonang go se latlhegelwa, e seng se lo solofelang go se bona.
Bolokang go bulegela kotsi go le mo taolong
Kotsi ke karolo ya lefatshe la kgwebisano. Ga go na kwa lo ka e tshabelang teng. Mme maikutlo one? A ka lo kgarameletsa go tsaya kotsi e e fetang thata e lo tshwanetseng go e tsaya.
Tsayang mmaraka o o tlhatlogang, ka sekai. Ditlhwatlhwa di a palama, mme bagwebi ba simolola go tshwenyega ka go fetwa ke tshono. Poifo ya go fetwa ke tshono (FOMO) e ka dira gore batho ba potlakele mo dikgwebisanong kwa ntle ga go akanyetsa dilo ka botlalo. Go tswa foo bogagaru bo a tsena; ba tshwara maemo lobaka lo loleele thata, ba solofetse dipoelo tse dikgolo le go feta. Mme jaaka rotlhe re itse, mmaraka ga o bereke sentle ka metlha, mme dipoelo tseo di ka nyelela ka bofefo fela jaaka di tlile.
Lo ka laola kotsi jang le go tila FOMO? Tlhalosang mokgwa wa lona wa kgwebisano
- Nnang le leano le le tlhapileng. Le lo boloka lo tsepamisitse mogopolo mme le lo thibela go tsaya ditshwetso tsa lepotlapotla.
- Rulaganyang go sa le gale. Itseng sentle gore lo tla tsena le go tswa leng mo dikgwebisanong, pele ga maikutlo a tsena mo teng.
- Nnang lo iketleeleditse go fetoga. Mebaraka e fetoga ka metlha. Go ngaparela thulaganyo go siame, mme go sala mekgwa ya mmaraka morago ka bofofu? Ga go a siama kalo.
Thibelang kgwebisano ya ipusolosetso
A re bueng ka kgwebisano ya ipusolosetso. Lo a itse, motsotso ole fa lo itemogela tatlhegelo e kgolo mme ka bonako fela lo potlakela mo kgwebisanong e nngwe, lo solofetse go busa madi a lona. Go a tlhaloganyesega, mme ga se gantsi go felela sentle.
Go na le go sekaseka mokgwa wa bone gape, bagwebi ba ipusolosetso ba tsena fela ka tlhamalalo kwa ntle ga thulaganyo e e siameng. Mme ka gonne ba dirisa maikutlo, e seng leano, gantsi ba dira dikgwebisano tse di nang le kotsi e kgolo le go feta. Kotsi e ntsi e isa kwa ditatlhegelong tse dintsi, kgobego ya marapo e ntsi, mme, jaaka lo akantse, kgwebisano e ntsi ya ipusolosetso. Ke modikologo o o kotsi o go leng thata go o kgaola.
Lo ka tila jang kgwebisano ya ipusolosetso? Dirisang didiriswa tsa taolo ya kotsi

- Tlhomang Stop Loss. Seno se tswala maemo a lona ka bogosone fa mmaraka o tsamaela kgatlhanong le lona, se lo sireletsa mo ditatlhegelong tse dikgolo.
- Bolokang bukana ya rekoto ya kgwebisano. Go sala morago dipoelo le ditatlhegelo tsa lona go lo thusa go ithuta mo maitemogelong le go tokafatsa leano la lona.
Nonotshang maikutlo le kakanyo ya lona ya kgwebisano gompieno
Go nna setswerere mo tlhaloganyong le maikutlong a kgwebisano go botlhokwa fela jaaka go sekaseka ditshate kgotsa go sala morago mekgwa ya mmaraka. Fa lo ka laola maikutlo a lona, lwa ngaparela leano la lona, mme lwa dirisa didiriswa tsa taolo ya kotsi ka botlhale, lo tla nna mo maemong a a botoka thata a katlego ya nako e telele.
Ka jalo ke eng fa lo sa simolole gompieno? Ikatiseng go gwebisana ka botlhale ka khaonte ya tekeletso, kgotsa lo lebelele dithuto tsa rona tsa mahala mo Deriv Academy go lootsa dikgono tsa lona.
Tsenang mo Deriv Academy ka imeile le khunololamoraba ya khaonte ya Deriv ya lona e e leng teng go simolola.
Quiz
Tsela e e gaisang ya go tila go gwebisana ka ipusolosetso ke efe?


