Fetela kwa diteng tsa botlhokwa

Motlha o mosha wa kgwebisano ya EA: Itireleng expert advisor ya lona lo dirisa AI

7
metsotso ya go bala
Seatla se se khibidu sa roboto se se amang tshate ya candlestick, se supa kgwebisano ya EA e e tsamaisiwang ke AI le go itirisa mo mebarakeng ya madi.

Kgwebisano ya Expert Advisor ke eng?

Fa lo ipotsa gore Expert Advisor (EA) ke eng, ga lo nosi! EA ke thulaganyo ya kgwebisano e e itirisang e e berekang mo teng ga dipolatefomo tse di tshwanang le MT5 le cTrader MT5. E ka bula, ya laola, mme ya tswala dikgwebisano go ikaegilwe ka melawana e e beilweng pele. Ka ntlha ya botlhale jwa maitirelo (AI) mo kgwebisanong e e itirisang, jaanong lo ka bopa kgotsa lwa tokafatsa expert advisor ya lona ya kgwebisano motlhofo, le fa lo na le maitemogelo a a lekanyeditsweng a go kwala khoutu.
‍
‍

Ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go dirisa AI go itirela expert advisor ya lona 

Go bopa EA go ka lebega go tshosa, bogolo jang fa lo se na maitemogelo a go kwala khoutu. Dikgang tse di molemo ke gore go dirisa AI jaanong go letla ba ba simololang le bagwebi ba ba nang le maitemogelo go bopa diroboto tsa expert advisor ka go tlhalosa fela melawana ya kgwebisano ka puo e e motlhofo. Mekgwa ya AI e e tshwanang le Claude, ChatGPT, le Gemini e fetola megopolo ya lona ya kgwebisano go nna khoutu e e berekang, mme seo se dira gore kgwebisano ya expert advisor e fitlhelesege le go nna maatla go feta.

‍

1. Go tlhopha mokgwa o o siameng wa AI go bopa expert advisor 

Go simolola, tlhophang mokgwa wa AI go ntsha khoutu ya lona ya EA. Ditlhopho tse di tumileng thata di akaretsa:

  • Claude (ya Anthropic): e gaisa thata mo go ntsheng khoutu e e rulagantsweng sentle.
  • ChatGPT (ya OpenAI): mofuta o o duelwang o tumile thata ka ditiro tsa go kwala khoutu. Dirisang GPT-4 (o1) go bopa tsamaiso ya ntlha le taelo, le GPT-4o (o3 mini) go tokafatsa dipholo.
  • Gemini (ya Google AI): le yona e siametse khoutu ya kgwebisano ya alogorithimi.

Lekeletshang mokgwa mongwe le mongwe go bona o o tshwanelang mokgwa le ditlhokego tsa lona sentle.
‍

2. Kafa lo ka laelang AI ka teng go bopa expert advisor

Pele ga lo ntsha khoutu, lo ka batla go kopa AI go thusa go tlhalosa kgotsa go tokafatsa tsamaiso ya lona ya kgwebisano, bogolo jang mo maanong a a tsweletseng. Le fa lo ka tlola kgato eno, e ka tokafatsa dipholo thata.

Fa lo siame, dirisang taelo e e utlwalang le e e rulagantsweng sentle.

Sekai:

“Lo baitseanape ba go kwala khoutu ya MQL5. Bopang expert advisor (EA) e e berekang ka botlalo ka MQL5 e e ikaegileng ka tsamaiso le melawana e e latelang. Tsenyang ditlhaloso tse di utlwalang gore khoutu e nne motlhofo go e sala morago. Neyang khoutu yotlhe ya motswedi ya .mq5 mo teng ga matshwao a triple backticks kwa bofelong.”

‍

Go tswa foo, tlhalosang leano la lona. Sekai:

  • Dirisang Simple Moving Average (SMA) ya dipaka di le 50 le SMA ya dipaka di le 200.
  • Tsenang mo kgwebisanong ya go reka fa 50 SMA e tlola kwa godimo ga 200 SMA mo pakeng ya nako ya H1.
  • Tswalang kgwebisano fa SMA e boela kwa tlase.
  • Beyang Stop Loss kwa ntlheng ya bofelo e e kwa tlase ya swing low.
  • Beyang mo kotsing 1% ya Balance ya khaonte mo kgwebisanong nngwe le nngwe.

Fa ditaelo tsa lona di tlhamaletse go feta, dipholo tsa AI le tsona di tla nepagala le go nna mosola go feta.
‍

3. Go kopolola le go lekeletsa khoutu ya lona ya EA e e dirilweng ka AI

Bakeng sa Deriv MT5 (MQL5)

  1. Go tswa mo bareng ya didiriswa ya Deriv MT5, tobetsang IDE.
  2. Mo sekhutlong se se kwa godimo ka fa molemeng, tlhophang New mme lo tlhophe Expert Advisor.
  3. Tsenyang leina la EA ya lona mme lo sale morago ditaelo.
  4. Mametlelelang khoutu ya lona e e dirilweng ka AI mo teng ga MetaEditor mme lo tlhatlhobe diphoso.
  5. Lekeletsang EA ka dintlha tsa nako e e fetileng go netefatsa gore e bereka jaaka go solofetswe.
  6. Fa tsotlhe di lebega di siame, boelang kwa MT5, bulang Navigator → tobetsang ka fa mojeng mo go Expert Advisors → Refresh.
  7. Gogelang EA ya lona mo tshateng mme lo tshube Algo Trading.
    ‍

Bakeng sa Deriv cTrader (C#)

Kopang AI go lo direla cBot ka C#. Dirisang taelo e e utlwalang le e e tseneletseng, jaaka:

“Kwalang roboto ya kgwebisano ya cTrader (cBot) ka C# e e tsenang mo kgwebisanong ya go reka fa RSI (14) e le kwa tlase ga 30, mme tlhwatlhwa e tswala kwa godimo ga EMA ya dipaka di le 20 mo pakeng ya nako ya H1. Tswang mo kgwebisanong fa RSI e fitlha go 70. Beyang mo kotsing 2% ya Balance mo kgwebisanong nngwe le nngwe.”

  • Fa taelo ya lona e tlhamaletse go feta, dipholo di nna botoka go feta.
  • Fa lo kopana le diphoso, mametlelelang melaetsa ya diphoso gape mo teng ga AI; gantsi e ka lo thusa go rarabolola mathata.
    ‍

4. Diphoso tse di tlwaelegileng tsa AI fa lo bopa EA ya kgwebisano le kafa lo ka di baakanyang ka teng

Khoutu e e dirilweng ka AI ga e a itekanela ka metlha. Ke ano mathata a le mmalwa a lo ka kopanang le ona, mmogo le ditharabololo tsa ona:

Bothata 1: Phoso ya “Undeclared identifier” mo go MQL5

Tharabololo: AI e ka dirisa fetogo kgotsa tiro e e sa tlhalosiwang. Tlhatlhobang gape dipitso tsa disupi tse di tshwanang le iMA() kgotsa iRSI() go netefatsa gore di tlhalositswe sentle. Ditiro tsa go reka/go rekisa tse di tlhaelang
‍
Bothata 2: Ditiro tsa go reka/go rekisa tse di tlhaelang

Tharabololo: Tsenyang ditiro tsa kgwebisano ka seatla. Sekai:

Example MQL5 code for an EA showing how to manually create a buy order using MqlTradeRequest and OrderSend().

Bothata 3: Tsamaiso ya kgwebisano ga e bereke mo go Deriv cTrader

Tharabololo: Netefatsang gore khoutu ya lona e mo teng ga selaodi se se siameng sa ditiragalo, se se tshwanang le OnBar() kgotsa OnTick()

Bothata 4: Palo e e sa siamang ya bogolo jwa lot

Tharabololo: AI e ka bala bogolo jwa maemo e ikaegile fela ka Balance ya khaonte, e tlogela bogolo jwa konteraka. Seno se ka felela ka dikgwebisano tse dikgolo thata kgotsa tse dinnye thata. Ka metlha dirang tekeletso ya nako e e fetileng mme lo baakanye tsamaiso ya palo fa go tlhokega.

‍
5. Mekgwa e e gaisang ya go dirisa AI mo kgwebisanong 

Le fa AI e ka ntsha khoutu e e berekang, e ka tlhaela bokgoni kgotsa boikanyego. Akanyang ka dikakantsho tseno go tokafatsa EA ya lona:

  • Tsenyang thulaganyo ya go laola diphoso bakeng sa maemo a mmaraka a a sa solofelwang.
  • Dirisang trailing Stop Loss go sireletsa dipoelo.
  • Dirang ditekeletso tsa nako e e fetileng go tokafatsa tiragatso ya leano.
  • Sekasekang khoutu ka seatla kgotsa lo dirise MetaEditor Debugger mo go Deriv MT5.

‍
6. E tla go ise go ye kae: AI Debugging Agent

EA Debugging Agent e ntsha e e tsamaisiwang ka AI e mo thulaganyong ya go dirwa. Fa e gololwa, e tla:

  • Baakanya diphoso tsa kago ya khoutu ka boyona mo khoutung e e dirilweng ka AI
  • Tokafatsa bokgoni jwa tiragatso
  • Tlhalosa mola mongwe le mongwe wa khoutu ka mafoko a a motlhofo

Sediriswa seno se tla dira gore go tlosa diphoso go nne bofefo le go fitlhelesega go feta, ka jalo nnang lo ntshitse matlho dinameng go bona dintshwafatso.

‍

‍

Go di kopanya tsotlhe

Ka didiriswa tsa gompieno tsa AI, go aga expert advisor ya Deriv MT5 kgotsa Deriv cTrader go fitlhelesega go feta le fa e le leng pele. Ka go neelana ka ditaelo tse di utlwalang le go lekeletsa khoutu ya lona ka kelotlhoko, lo ka bopa, lwa tokafatsa, mme lwa godisa dialogorithimi tsa lona tsa kgwebisano. Fa lo kopana le dikgwetlho, lebang ditharabololo tse di tlwaelegileng le dikakantsho tse di neilweng fa godimo.

A lo siametse go itirela leano la lona la kgwebisano e e itirisang? Bopang EA ya lona ya ntlha ka Deriv MT5 kgotsa cTrader mme lo tshedise leano la lona ka AI.

‍

Dipotso tse di Botswang Kgapetsakgapetsa

Analyse markets with AI-powered insights

Explore TradersView
WhatsApp