Motheo wa dipara tsa Forex
Khoso eno ya ba ba simololang e lo kaela mo metheong ya kgwebisano ya Forex.
Mo lefatsheng la kgwebisano ya Forex, go tlhaloganya metheo go botlhokwa thata mo bagwebisaning ba basha. Mo pelong ya kgwebisano ya Forex go na le dipara tsa madi, tse di nolofatsang phapaanyo ya madi le go kgontsha bagwebisani go akanyetsa motsamao wa ditlhwatlhwa. Thuto eno e tla tlhalosa dipara tsa Forex ka botlalo, e tlhalose mareo a botlhokwa, mme e lo thuse go nna le tshepo e kgolwane fa lo gwebisana ka didiriswa tseno tsa botlhokwa tsa madi.
Dipara tsa Forex ke Eng?
Para ya Forex e bopiwa ke madi a mabedi a a farologaneng, kwa boleng jwa madi a le mangwe bo kaiwang go ya ka a mangwe. Ka sekai, mo pareng ya madi ya EUR/USD, Euro (EUR) ke madi a motheo, mme US Dollar (USD) ke madi a khouto. Fa para e kaiwa ka 1.0697, go supa gore Euro e le nngwe e lekana le $1.0697.
Kgwebisano nngwe le nngwe mo Forex e akaretsa ditiro di le pedi: fa lo reka para ya madi, lo reka madi a motheo fa ka nako e le nngwe lo rekisa madi a khouto. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa lo rekisa para eo, lo rekisa madi a motheo mme lo reka madi a khouto. Go tlhaloganya thulaganyo eno ya phapaanyo go botlhokwa thata gore lo kgone go tsamaya mo mmarakeng wa Forex ka katlego.
Go Tlhaloganya Di-pip
Di-pip, kgotsa “percentage in points,” ke motsamao o monnye thata wa tlhwatlhwa mo pareng ya madi, o gantsi o emelwang ke lefelo la bone morago ga khutlo ya desimale. Le fa go ntse jalo, mo dipareng tsa yen jaaka USD/JPY, di-pip di lekanngwa mo lefelong la bobedi morago ga khutlo ya desimale. Ka sekai, fa para ya EUR/USD e tloga mo go 1.2050 go ya kwa go 1.2051, seo ke koketsego ya pip e le 1.
Di-pip di botlhokwa ka gonne di lo thusa go lekanya diphetogo tsa ditlhwatlhwa le go akanyetsa dipoelo kgotsa ditatlhegelo tse di ka nnang teng mo dikgwebisanong tsa lona. Go nna setswerere mo dipalong tsa di-pip go ka tokafatsa nepagalo ya kgwebisano ya lona le go letla taolo e e botoka ya dikotsi.
Bogolo jwa Di-lot
Mo kgwebisanong ya Forex, bogolo jwa kgwebisano ya lona bo bidiwa lot. Go na le bogolo jwa konokono jwa di-lot jo bone jo lo tshwanetseng go bo itse:
- Standard Lot: diyunithi di le 100,000 tsa madi a motheo.
- Mini Lot: diyunithi di le 10,000 tsa madi a motheo.
- Micro Lot: diyunithi di le 1,000 tsa madi a motheo.
- Nano Lot: diyunithi di le 100 tsa madi a motheo.
Go tlhopha bogolo jo bo maleba jwa lot go botlhokwa thata ka gonne go ama ka tlhamalalo kotsi e lo lebaganeng le yone. Di-lot tse dikgolo di ka tlisa dipoelo tse di kwa godimo, mme gape di tla ka kotsi e e oketsegileng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, di-lot tse dinnye di lo letla go gwebisana ka kelotlhoko.
Bokhutlo
Go tlhaloganya metheo ya dipara tsa Forex, motsamao wa di-pip, le bogolo jwa di-lot ke kgato ya motheo mo thutong ya lona ya kgwebisano. Ka kitso eno, lo tlhomeletse botoka go tsamaya mo mmarakeng wa Forex ka tshepo. Fa lo ntse lo tswelela ka leeto la lona, gakologelwang gore maano a kgwebisano, taolo ya madi, le boitshwaro ke dintlha tsa botlhokwa tsa katlego ya nako e telele mo kgwebisanong ya Forex.
Re lo rotloetsa go sekaseka kgwebisano ya Forex mo dipolatefomong tsa Deriv le go dirisa megopolo e e akareditsweng mo thutong eno go aga motheo o o nonofileng. Kgwebisano e e monate!
Quiz
Para ya Forex ke eng?
Pip e emela eng mo kgwebisanong ya madi?
Ke bogolo bofe jwa lot jo bo emelang diyuniti di le 10,000 tsa madi a motheo?


