Pele ga fa lo simolola
Tlhomamisang gore lo kgona go tsena mo khaonteng ya lona ya Deriv. Gape lo ka nna lwa batla go dirisa motsamaisi wa diphasewete yo o ikanyegang.
Nonotshang phasewete ya lona
Nonotshang phasewete ya lona ka dikgato di le 3
Fa lo dirisa phasewete e le nngwe mo dikhaonteng tse di farologaneng, kotsi ya tshireletso mo tirelong e le nngwe e ka tsenya dikhaonte tsa lona tse dingwe mo kotsing. Simololang ka go naya khaonte ya lona ya Deriv phasewete ya yona fela.
1.Dirang phasewete e e kgethegileng
Tlhopang e telele. Polelwana ya mafoko a le mmalwa a a sa rulaganang e motlhofo go e gakologelwa mme e thata go e fopholetsa go na le e khutshwane e e raraaneng. Tilang maina, malatsi a matsalo le sengwe le sengwe se lo kileng lwa se dirisa pele, mme gape lo dirise phasewete e e farologaneng mo khaonteng ya lona ya MT5. Motsamaisi wa diphasewete a ka lo direla yona.
2.E fetoleng mo dithulaganyong tsa khaonte ya lona ya Deriv
Kwalang home.deriv.com mo sebatling sa lona, tsenang, mme lo fetole phasewete ya lona mo dithulaganyong tsa khaonte ya lona.
3.E bolokeng ka pabalesego
Se abelaneng phasewete ya lona le ope kgotsa go e romela ka molaetsa. Akanyang go dirisa motsamaisi wa diphasewete yo o ikanyegang go e boloka ka pabalesego, mme lo tile go e boloka mo didirisweng tse di tlhakanelwang.
A lo akanya gore phasewete ya lona e senotswe?
E fetoleng mo go Deriv ka bonako, go tswa foo lo e fetole mo setšheng sengwe le sengwe se lo e dirisitseng mo go sona. Fa lo lemoga tiragalo mo khaonteng ya lona e lo sa e itseng, ikgolaganyeng le rona ka bonako.
Nayang khaonte ya lona ya Deriv phasewete ya yona fela
Tsenang mme lo ntshafatse phasewete ya lona mo dithulaganyong tsa khaonte ya lona. Go tswa foo bulelang 2FA go bona tshireletso ya bobedi.
Dipotso tse di tlwaelegileng
A lo tlhoka thuso?
Dipotso tse di tlwaelegileng
A nka dirisa phasewete e e tshwanang mo imeiling ya me le mo Deriv?
A lefoko la sephiri le le nonofileng le tsaya maemo a 2FA?
